Lyrics
Batswana we, ngwanaka
Ake o tsoge tlhe otle go thusa
Golo fa okare ke robetse le noga
Batswana we iye, ngwanaka
Ako tsoge tlhe otle go thusa
Golo fa okare ke robetse le noga
Kare utlwa, utlwa, utlwa mosumo wa yone
O kwa godimo, utlwa jaaka e thubaka dijana
Kare utlwa, utlwa, utlwa iye iye
Utlwa mosumo wa yone
Utlwa jaaka e thubaka dijana
Heela mosetsanyana, kare golo fa kego utlwa sentle
Kare ake go utlwa sentle na, ake go utlwa sentle
Ware o bonang, ware o bonang
Kare ware o bonang na, ware o bonang mosetsanyana
A ke go utlwa sentle, a ke go utlwa sentle mosetsanyana
Wa itse go tlhoka pono ruri go botlhoko
Kare batho ba ja tlhakwana ka lefitshwana
Nna ke ntse kere ke tlhasetswe
Kante golo fa ke a tingwa
Are utlwa, utlwa, utlwa mosumo wa bone
O kwa godimo, utlwa jaaka ba thubaka dijana
Kare utlwa, utlwa, utlwa iye iye
Utlwa mosumo wa bone
Utlwa jaaka ba thubaka dijana
Heela mosetsanyana, ware are motho o ke mang?
Ware rralona o robetse le mantshotshwana
A ke go utlwa sentle, a ware le mmadikeledi
Mmadikeledi, mmadikeledi, mmadikeledi wee
Mmadikeledi, kare go ja le o mongwe gake kgore
Mpolelele mmadikeledi gore kika e thuga jang
Mabele go sena motshe
Mmadikeledi, nkadima motshe wame
Mpolelele iyee, mmadikeledi, mmadikeledi
Nkadime motshe wame, rre Malebogo
Kare a o tsamaya o sela sela
Ekare ga waja mokatelo, a o tshwana le leeba
Kana lone ga le tlhope, kare le ja sagaulwane
Marumantsi le mmantsekane
Lone le ja gotlhe
Rre Malebogo o mala mantle jang na?
Rre Malebogo, kare a o tsamaya o sela sela
Ekare ga waja mokatelo
Are a tshwana le leeba
Kana lone ga le tlhope
Lone le ja sagaulwane, marumantsi le mmantsekane
Kare le ja gotlhe, kare rre Malebogo
O mala mantle jang na?
Mmadikeledi, mmadikeledi wee, mmadikeledi
Are go ja le o mongwe gake kgore
Mpolelele mmadikeledi gore kika e thuga jang
Mabele go sena motshe
Mmadikeledi, nkadime motshe wame
Mpolelele iyee, mmadikeledi, mmadikeledi
Nkadime motshe wame, rre Malebogo
Kare o tsamaya o sela sela
Ekare ga waja mokatelo, o tshwana le leeba
Kana lone ga le tlhope, lone le ja sagaulwane
Marumantsi le mmantsekane
Kare le ja gotlhe
Rre Malebogo o mala mantle jang na?
Lyrics powered by www.musixmatch.com